Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #5

Hymn 5 A Go Kgakala?

[V1]
A Go Kgakala Gae? Ka Botsa Molebedi Mme A Re:
Fifi je lentsho le ile, Go se’ go tla moso,
Hong se lele, mme akofa, Tsholofelong ya lesedi,
O bo o fitlhe bogosing, Tsatsing le sa khutleng.

[V2]
Ka Botsa Mo Motlhabaning, E, Ke Kopelo Ya Gagwe
"Ke tla lwa ka pelokgale, Phenyo e gaufi,
Hong se lele, mm’itshokele Yone ntwa o wetse tiro,
Ka r’itse tuelo e teng, Re setse re fentse"

[V3]
Ka Botsa ’Fatshe, Letsatsi, Tsotlhe Tsa Araba Tsa Re:
"Nako e se’ e fetile, Bosakhutleng gaufi,
Hong se lele, ka tlhagiso, Ditshupo di ya bonala
Lobopo lo letile go Lela ga lonaka."

[V4]
Ga Go Kgakala Kwa Gae, Ke Kgomotso Ya Moeti,
E e tsileng le phodiso, e tlosa ’keledi,
Hong se lele re tla kopana boikhutsong jwa gale,
Re le kwa boitumelong Legaeng ja Rara.

5. A Go Kgakala?

Link copied to clipboard successfully!