Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #6

Hymn 6 Lebelelang Baitshepi

[V1]
Lebelelang Baitshepi: Thoromo Ya Legodimo;
Pone tsa lona di tuke, Iketle’letseng Morena,

[C]
Bona o etla, Morena, E o etla mo kgalalelong,
O tla go busa ka phenyo, E, o etla Jeso O etla.

[V2]
Bonang Tsholofetso Ya ’Gwe, Dibe Tse Di Itshwaretsweng,
Kobo tse ’ntle le dirwalo, Lo boleleng thekololo.

[C]
Bona o etla, Morena, E o etla mo kgalalelong,
O tla go busa ka phenyo, E, o etla Jeso O etla.

[V3]
Dipuso Di Ya Nyerega, Utlwang Modumo Wa Koloi;
Bolelang ka tshegofatso, ’Naka lo sa ntse lo lela.

[C]
Bona o etla, Morena, E o etla mo kgalalelong,
O tla go busa ka phenyo, E, o etla Jeso O etla.

[V4]
Merafe E Ya Senyega, Go Tla Bogosi Jwa Kreste
Lefatshe le mo bofelong, Kuang baitshepi o e tla.

[C]
Bona o etla, Morena, E o etla mo kgalalelong,
O tla go busa ka phenyo, E, o etla Jeso O etla.

[V5]
Baleofi Tlang Loa Bidiwa, Jeso Wa Lo Rapelela,
Akofang go ise gotwe, Tshwaro, nako di fedile.

[C]
Bona o etla, Morena, E o etla mo kgalalelong,
O tla go busa ka phenyo, E, o etla Jeso O etla.

6. Lebelelang Baitshepi

Link copied to clipboard successfully!