Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #272

Hymn 272 Latlhela Mogala

[V1]
Latlhela Mogala Kwa Lefifing,
Mongwe o teng yo o ka bolokwang;
Morwa ’rra mongwe foo go tla ya mang,
Go latlhela mogala kotsing ya ’gwe?

[C]
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe o ya kgakala,
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe wa tiba janong.

[V2]
Dira Ka Bonako Le Ka Thata,
A O nnela eng, O diegelang.
Bona wa tiba akofa janong
Mme ka mokoro tsamaya, tsama’.

[C]
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe o ya kgakala,
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe wa tiba janong.

[V3]
O Latlhela Bathung Ba Ba Kotsing,
Ba tibang botlhokung kwa
O ’seng O nne: Phefo tsa thaelo le bofutsana,
Di tloga di ba isa kwa botenyeng.

[C]
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe o ya kgakala,
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe wa tiba janong.

[V4]
Nako’a Poloko E Tlog’e Fela
Ba tloga ba ya kwa bosakhutleng;
Akofa morwa rra ga go nako,
Mme latlhela mogala ba boloke.

[C]
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe o ya kgakala,
Latlhela thapo, Latlhela thapo,
Mongwe wa tiba janong.

272. Latlhela Mogala

Link copied to clipboard successfully!