Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #268

Hymn 268 Morena Bona Sefefo

[V1]
Morena Bona Sefefo; Makhubu A A Tlola.
Godimong go maru a mantsho; Ga go thuso gaufi;
A ga O bone re ya swa? A O robaletseng?
Fa nako tsotlhe di theregisa, Bobipo mo botenyeng.

[C]
Diphefo, makhubu, di tla nkutlwa, He kgaotsang’
A ke lewatle je le tlolang, A temona, a batho, a eng le eng,
Ga o kake wa nwela mokoro, Ka mung wa lobopo a le mo
teng;
Di tla le utlwa lentswe ja Me ; He kgaotseng, He kgaotsang,
Di tla le utlwa lentswe ja me, He lo kgaotseng.

[V2]
Morena Ke Mo Tlalelong Bofutsaneng Kajeno;
Ke mo phuduegong ya pelo Ao tsoga O mpoloke,
Dibe di ntsetse tlalelong Ke fupetse moyeng;
Mme ke ya swa, ke ya swa, Morena; Akofa mme O laole.

[C]
Diphefo, makhubu, di tla nkutlwa, He kgaotsang’
A ke lewatle je le tlolang, A temona, a batho, a eng le eng,
Ga o kake wa nwela mokoro, Ka mung wa lobopo a le mo
teng;
Di tla le utlwa lentswe ja Me ; He kgaotseng, He kgaotsang,
Di tla le utlwa lentswe ja me, He lo kgaotseng.

[V3]
Morena Poifo E Ile. Gotlhe Go Mo Boikhutsong;
Tsatsi le phatsema lewatleng, Legodimo le gaufi;
O nne le nna Mompoloki, Se ntese bojosing;
Boipelong ke tla fitlha tsibogong, K’ikhutse boitumelong.

[C]
Diphefo, makhubu, di tla nkutlwa, He kgaotsang’
A ke lewatle je le tlolang, A temona, a batho, a eng le eng,
Ga o kake wa nwela mokoro, Ka mung wa lobopo a le mo
teng;
Di tla le utlwa lentswe ja Me ; He kgaotseng, He kgaotsang,
Di tla le utlwa lentswe ja me, He lo kgaotseng.

268. Morena Bona Sefefo

Link copied to clipboard successfully!