Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #269

Hymn 269 Mmoloki Yo Gakgamatsang

[V1]
Mmoloki Yo Gakgamatsang Ke Jeso,
Morena wa me Mmoloki,
O fitlha mo’a me ’farong lwa lefika
Kwa dinokeng tsa kgatlhego.

[C]
O fitlha mo’a me ’farong lwa lefika,
Je le sirang mo sekakeng;
O fitlha ’tshelo jwa me ratong lwa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe.

[V2]
Mmoloki Yo Gakgamatsang Ke Jeso,
O tlosa morwalo wa me,
O ntshwere ga nkake ka tshikinyega,
O nna’a nonofo ka metlha.

[C]
O fitlha mo’a me ’farong lwa lefika,
Je le sirang mo sekakeng;
O fitlha ’tshelo jwa me ratong lwa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe.

[V3]
O Rwesa Nako Tsotlhe Ka Masego,
Mme O di tlatsa bo-Ene,
K’opelela Modimo kgalalelo,
Ka Morekolodi wa me.

[C]
O fitlha mo’a me ’farong lwa lefika,
Je le sirang mo sekakeng;
O fitlha ’tshelo jwa me ratong lwa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe.

[V4]
Mogang Ke Tsogang Phatsimong Ya Gagwe,
Go Mo kgatlhantsha mo marung,
Poloko ya Gagwe, lorato lwa ’Gwe
Ntla ’pela le ba sa balweng.

[C]
O fitlha mo’a me ’farong lwa lefika,
Je le sirang mo sekakeng;
O fitlha ’tshelo jwa me ratong lwa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe,
O mpipa ka s’atla sa ’Gwe.

269. Mmoloki Yo Gakgamatsang

Link copied to clipboard successfully!