Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #267

Hymn 267 Re Gaseng Pelonomi

[V1]
Keng Re Sa Rateng Dipina, Tse Di Tswang Mo Nonyaneng,
Keng fa re sa tlhokomele Dithunya tse di ratwang?
A re rateng lotlhabola, Fa re sale go jone,
Jaaka re le mo maregeng Lobakeng lwa serame.

[C]
A Re Seleng Tlheng Dithunya, Tse Di Tletseng Mo Tseleng,
A re bolokeng mabele, Mitlwa, mmoko, re latlheng,
A re fitlheleng kgomotso Mo masegong a jaanong,
A re tloseng ka boitshoko Mitlwa yotlhe mo tseleng.

Re gaseng pelonomi, Re gaseng pelonomi,
Re gaseng pelonomi, Re tla roba kganteje.

[V2]
Fa Re Itse Ngwanyana, Yo O Re Senyeditseng,
A tla tsoga’ nyeletse, Re sa tlhole re na nae,
Re ka gana jang go bonwa Re mo leba maswabing
Lefa a dirile tshenyo, Ke e e itshwarelwang.

[C]
A Re Seleng Tlheng Dithunya, Tse Di Tletseng Mo Tseleng,
A re bolokeng mabele, Mitlwa, mmoko, re latlheng,
A re fitlheleng kgomotso Mo masegong a jaanong,
A re tloseng ka boitshoko Mitlwa yotlhe mo tseleng.

Re gaseng pelonomi, Re gaseng pelonomi,
Re gaseng pelonomi, Re tla roba kganteje.

[V3]
Fa Re Mmona A Rapame, A Gatsetse Mo Losong,
E re ke wa re kaela, Ka ga tse di fetileng,
E re ke wa re buisa, A re jana mo losong,
Jalang tlheng bopelonomi, Re tla roba kganteje.

[C]
A Re Seleng Tlheng Dithunya, Tse Di Tletseng Mo Tseleng,
A re bolokeng mabele, Mitlwa, mmoko, re latlheng,
A re fitlheleng kgomotso Mo masegong a jaanong,
A re tloseng ka boitshoko Mitlwa yotlhe mo tseleng.

Re gaseng pelonomi, Re gaseng pelonomi,
Re gaseng pelonomi, Re tla roba kganteje.

267. Re Gaseng Pelonomi

Link copied to clipboard successfully!