Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #181

Hymn 181 Ga Re Itse Nako’ E O Tla Tlang

[V1]
Ke Gopola Pelotlhomogi
Ya tlhwatlhwa ya polok’a’Gwe,
A tswa mannong a galaleng Go tla’ swela batimedi.
Gongwe go tla Mo itumedisa, Fa ba O ba rekoletseng
Ba ipela go tleng ga Gagwe, Ba letile ba disitse.

[C]
Ga Re Itse Nako O Tla Tlang,
Maitsiboeng kgotsa mosong;
Gongwe e ka nna maabanyaneng,
Gongwe maphakela thata.
O re re lebele re lete, Le dipone di se time;
E tl’e re A tla, A fitlhele, Re letile re lebe’tse.

Re letile mme Re Go disitse;
Re letile mme Re sa ntse re Go letile
Alto. T.& B.
R letile re Go lebeletse, Re letile Go lebeletse,
Re letile re Go lebeletse, Re sa ntse re Go letile.

[V2]
Jeso Morekolodi Wa Me, Wa Itse Ke Bolokile
Tsholofelo ya go Go bona, K’utlwa O intumelela;
Mogang O bonang Moatlhodi,
Go bangwe ba ba tla tshabang,
Ke tla Go dumedisa, Tsala, Ke letile ke disitse.

[C]
Ga Re Itse Nako O Tla Tlang,
Maitsiboeng kgotsa mosong;
Gongwe e ka nna maabanyaneng,
Gongwe maphakela thata.
O re re lebele re lete, Le dipone di se time;
E tl’e re A tla, A fitlhele, Re letile re lebe’tse.

Re letile mme Re Go disitse;
Re letile mme Re sa ntse re Go letile
Alto. T.& B.
R letile re Go lebeletse, Re letile Go lebeletse,
Re letile re Go lebeletse, Re sa ntse re Go letile.

181. Ga Re Itse Nako’ E O Tla Tlang

Link copied to clipboard successfully!