Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #180
Hymn 180 Ga Re Itse Nako
[V1]
Ga R’ Itse Nako Ya Ponalo’ A Morena,
Mme tshupo di supa baka lo lo gaufi
Fa A tla boya, polelo e gomotsang,
Mme ga r’ itse nako.
Ga R’ Itse Nako Ya Ponalo’ A Morena,
Mme tshupo di supa baka lo lo gaufi
Fa A tla boya, polelo e gomotsang,
Mme ga r’ itse nako.
[C]
O tla tla re leteng re lebele;
O tla tla, haleluja; haleluja;
O tla tla ka maru kgalalelong ya Rragwe-
Mme ga r’itse nako.
O tla tla re leteng re lebele;
O tla tla, haleluja; haleluja;
O tla tla ka maru kgalalelong ya Rragwe-
Mme ga r’itse nako.
[V2]
Sedi Le Teng Ja Ba Ba Batlang Poloko,
Boammaaruri bo Kwalong lo boitshepo,
Polelo tsotlhe di supa nako ele-
Mme ga r’ itse nako.
Sedi Le Teng Ja Ba Ba Batlang Poloko,
Boammaaruri bo Kwalong lo boitshepo,
Polelo tsotlhe di supa nako ele-
Mme ga r’ itse nako.
[C]
O tla tla re leteng re lebele;
O tla tla, haleluja; haleluja;
O tla tla ka maru kgalalelong ya Rragwe-
Mme ga r’itse nako.
O tla tla re leteng re lebele;
O tla tla, haleluja; haleluja;
O tla tla ka maru kgalalelong ya Rragwe-
Mme ga r’itse nako.
[V3]
Re Tla Rapela Re Tshubile Dipone,
Re lete tirong Morena A be A tle;
Re bina boipelong re lemoga tshupo,
Mme ga r’ itse nako
Re Tla Rapela Re Tshubile Dipone,
Re lete tirong Morena A be A tle;
Re bina boipelong re lemoga tshupo,
Mme ga r’ itse nako
[C]
O tla tla re leteng re lebele;
O tla tla, haleluja; haleluja;
O tla tla ka maru kgalalelong ya Rragwe-
Mme ga r’itse nako.
O tla tla re leteng re lebele;
O tla tla, haleluja; haleluja;
O tla tla ka maru kgalalelong ya Rragwe-
Mme ga r’itse nako.