Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #155

Hymn 155 Le ’Se Tshabeng Tse Di Godileng

[V1]
Le Se Tshabeng Tse Di Godileng, Kgotsa E Se Lewatleng
E ka ne e se kwa pele ntweng: Morena O tla ntlhoka;
Mme lefa A ka mpiletsa kwa Tseleng ke sa di itseng.
Ke tla araba morena wa me,ke tla ya kwa O ratang teng

[C]
Ke tla ya kwa O ratang Morena,
Thabeng, lebaleng lewatleng:
Ke tla bua thato ya ’Go Morena,
Ke tla nna se O se ratang.

[V2]
Gongwe Go Na Le Mafoko A Jeso O Ratang Ka A Bua,
Gongwe janong tseleng ya boleo Go na le motimedi.
Ao Mmoloki fa O ka nkgoga, Tseleng e e lefifi,
Ke tla bolela thomo ya Gago, Ke tla bua thato ya Go

[C]
Ke tla ya kwa O ratang Morena,
Thabeng, lebaleng lewatleng:
Ke tla bua thato ya ’Go Morena,
Ke tla nna se O se ratang.

[V3]
Ruri Go Na Le Felo Gongwe Mo Thobong Ya Lefatshe,
Kwa nka dirang lobakanyana, Mme ke direla Jeso;
Mme tsotlhe ke di ba’a go Wena, Kea itse Wa nthata
Mme ke tla dira thato ya Gago, Ke tla nna jaaka O rata.

[C]
Ke tla ya kwa O ratang Morena,
Thabeng, lebaleng lewatleng:
Ke tla bua thato ya ’Go Morena,
Ke tla nna se O se ratang.

155. Le ’Se Tshabeng Tse Di Godileng

Link copied to clipboard successfully!