Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #154
Hymn 154 Moleti Mpolelela
[V1]
Moleti Mpolelela, A Moso Wa Sion’ Wa Sa?
A tshupo tsa go tla ga ’Gwe, Di phatsimile tseleng?
Moeti, e! tsoga, leba; ’Sedi le teng loaping;
Apara tsa go tsa nyalo, Bo sele tsoga; tsoga.

[V2]
Moleti, Bona, Sedi Le Phatsima Tseleng Ya Go;
Tshupo di mo fatshing jotlhe, Tsa letsatsi je le tlang
Je ’tla reng naka lo lela, Lo tla tsosa ’fatshing; watleng,
Baitshepi ba ba robetseng Ba apare bosasweng.

[V3]
Moleti Baka Lesedi Ja Ngwaga Wa Sabata;
Botlhe ba bolele gore Bogosi bo gaufi;
Moeng ke bona moseja, Kgalalelo Kananeng;
Saleme e kgalalelong, ’Seding je le kwa loaping.

[V4]
Moleti Motsing Wa Gouda, O Ntse Troneng Ya Gagwe,
Ke Kgosi ya kwa Sione, O busa ka kagiso;
Kwa thabeng tse di leseding, Di phatsima botlalong.
Melatswana e phatsimang, Kwa go melang dithunya.

[V5]
Moleti Fatshe Le Gaufi, Je Le Nang Le Maungo;
Kwa moseja, go gontle jang. Dithunyeng tsa Edene.
Go utlwala dikopelo, Di duma kwa loaping;
Bona bontsi, O ba reetse, Kgantele baeng ba koo.