Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #139

Hymn 139 Ke Bonye Tsala

[V1]
Ke Bonye Tsala Ya Nnete; O Ntse O Nthata Gale;
O nkgogetse mo go Ene, Ka kgole tsa lorato.
Mme mo pelong O mphapile Ka kgole e’sa kgaogeng,
Ke Oa Gagwe Ene wa me Ka gale le ka gale.

[V2]
Ke Bonye Tsala Ya Nnete; Ene O Na A Ntshwela;
Ga se neo ya botshelo Fela O inneetse.
Ga kena se e leng sa me, Ke di tshwaretse Momphi;
Pelo, thata, le botshelo, Ke tsa Gagwe, ka gale.

[V3]
Ke Bonye Tsala Ya Nnete; O Neilwe Thata Yotlhe;
Go nkgoga mo tseleng ya me, E e nkisang godimo.
Kgalalelo e sa khutlheng, Ke yone e ’nnotshang;
Go leta, go dira, go lwa, foo, boikhutso ka gale.

[V4]
Ke Bonye Tsala Ya Nnete; Ke E E Pelonomi
Mogakolodi, Mogogi, Mohemedi yo’thata.
Go Yo o sa leng ka’nthata, Ga go se se ka ntlosang,
Botshelo, loso, kgotsa eng? Nyaa ke wa Gagwe gale.

139. Ke Bonye Tsala

Link copied to clipboard successfully!