Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #140
Hymn 140 K’utlwa Ntswe Ja Jeso
[V1]
K’utlwa Ntswe Ja Jeso Le Re "Tla Go Nna Ikhutse;
Ikaega wena molapi Mo sefubeng sa me."
Ka tla jaaka ke ne ke ntse Ke lapile thata;
Ka fitlhela boikhutso, O ’ntumedisitse.

[V2]
Ke Utlwile Jeso A Re, "Bona, Ke Na’a Fela
Ga metse a a tshedileng; Inama, nwa , tshela."
Ka tla kwa go Jeso ka nwa Metse a tshedisang;
Ka timoga, ka safala, janong, ke tshedile.

[V3]
Ke Utlwile Jeso A Re " Ke Sedi Ja’ Fatshe.
Leba go Nna O tlhabelwe Tsatsi ja phatsimo."
Ka leba Jeso, mme Ene Ke letsatsi ja me;
Ke tla tsama’a seding je ke Be ke fetse loeto.