Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #89

Hymn 89 Botshe Nako Ya Thapelo

[V1]
Botshe Nako Ya Thapelo,
E e mpitsang kwa lefatshing,
E e mpiletsang go Rara;
E bolelang kopo tsa me;
Mogang ke leng bohutsaneng,
Ke bona kgololo gone,
Ke falola mo thaelong,
Ka nako ya go rapela.

[V2]
Botshe Nako Ya Thapelo;
O tla isa topo ya me,
Go Ene Yo O boikanyo
Go segofatsa moleti.
Mme ka A ntaotse go mmatla,
Go dumela, go nna tshwarong,
Ke tla Mo na’a tsotlhe tsa me,
Ke lete nako’a thapelo.

[V3]
Botshe Nako Ya Thapelo;
Ke bone nametso ya ’go
Go tsamaye ke le thabeng,
Ke bone gae, ke ye gone.
Ke tla tsoga ka bosasweng
Go tsena kwa bosakhutleng,
Ke duduetse loaping,
Sala sentle go rapela.

89. Botshe Nako Ya Thapelo

Link copied to clipboard successfully!