Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #100

Hymn 100 Re Na Le Tsala Go Jeso

[V1]
Re Na Le Tsala Go Jeso, O Rwele ’Be Tsa Rona;
Ke lobaka lo lontle jang Modimong ka thapelo;
Gantsi re tlhaela kagiso, Ka mo go sa tshwanelang,
Gonne re sa ise tsotlhe Go Modimo thapelong.

[V2]
A Re Na Le Dithaelo? A Go Teng Matshwenyego?
Re se ka ra ngodiega, Go Morena thapelong.
A re ka bona kae tsala, E e re hutsafalelang
Jeso O re itse bokoeng; Go Morena thapelong.

[V3]
A Re Na Le Go Imelwa, Ke Merwalo Ya Rona?
Jeso Mmoloki, phemelo, Go Morena thapelong;
A o nyadiwa ke ditsala? Bolelela Morena;
Mme O tla go sireletsa, O tla gomola gone.

100. Re Na Le Tsala Go Jeso

Link copied to clipboard successfully!