Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #29

Hymn 29 Sala Le Nna

[V1]
Sala Le Nna: Tsatsi Lea Phirima;
Go ya ntshofala; Morena sala:
Fa go se bathusi le kgomotso,
Thuso ya batlhoki, sala le nna.

[V2]
Botshelo Bo Feta Ka Bonako;
Thamo le tlotlo tsa ’fatshe jeno;
Tsotlhe dia feta di ya nyelela,
Wena Yo sa feteng sala le nna.

[V3]
Ga Ke Kope Foko Je Le Fetang,
Mme jaak’ O ntse le barutwa Jeso,
Kgomotso ka bopelotelele,
Tla mme O se ete sala le nna.

[V4]
Ke Go Batla Ka Dinako Tsotlhe,
Tshwaro ya ’Go ’ka fenya Satane.
Ke mang yo’ tla nkgogang jaaka Wena?
Botlhokung, kgatlhegong, sala le nna

[V5]
Fa O Le Teng Ke Tlelwa Ke Thata;
Le khutsafalo ga e botlhoko;
Ga ke tshabe loso le lebitla;
Kea di Fenya fa O sala le nna.

29. Sala Le Nna

Link copied to clipboard successfully!