Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #26

Hymn 26 Jaaka Ke Ntse

[V1]
Jaaka Ke Ntse, Mo Molatong,
Mme madi a ’Go a ntlhatswa,
Mme O mpiletsa go Wena,
Kwana ya Modimo, k’ etla.

[V2]
Jaaka Ke Ntse, Ke Sa Leta
Go ntsha sebe moeeng wa me,
G’Wena yo tlhatswang ka madi,
Kwana ya Modimo, k’ etla.

[V3]
Jaaka Ke Ntse, Ke Akgega
Dintweng tsa dingongorego -
Tsa mo teng, poifo ka ko ntle,
Kwana ya Modimo, k’ etla

[V4]
Jaaka Ke Ntse, Bohutsaneng,
Pono, khumo le phodiso.
E, tsotlhe ke ya di tlhoka,
Kwana ya Modimo, k’ etla

[V5]
Jaaka Ke Ntse, O Tla Ntsaya,
O intshwarele, O ntlhatswe,
Gonne O solofeditse,
Kwana ya Modimo, k’ etla.

[V6]
Jaaka Ke Ntse, ’Rato Lwa ’Go,
Lo thubile dilo tsotlhe
Ke tla nna wa Gago fela,
Kwana ya Modimo, k’ etla.

26. Jaaka Ke Ntse

Link copied to clipboard successfully!