Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #18

Hymn 18 Tswelang Pele Bakresete

[V1]
Tswelang Pele Bakresete Lo Ye Ntweng,
Mokgoro wa Jeso O le kwa pele,
Kreste ke Molaodi, Tlhabantshang mmamba,
Tswelelang pele ntweng Bonang banera:

[C]
Tswelelang Bakreste, Lo lebe kwa ntweng,
Mokgoro wa Jeso O le kwa pele

[V2]
Mo Tshupong Ya Phenyo Baba Ba Tshaba,
Tswelelang mephato, Lo ye kwa phenyong,
Phupu dia roroma, ’Kgosing wa pako,
Lo tsholetseng mantswe, Lo kueng thata.

[C]
Tswelelang Bakreste, Lo lebe kwa ntweng,
Mokgoro wa Jeso O le kwa pele

[V3]
Re Jaaka Mophato Re Ba Modimo,
Re le mo motlhaleng Wa baitshepi
Ga re kgaogane, Rotlhe re mongwe,
Tsholofelong, thutong, Le mo loratong.

[C]
Tswelelang Bakreste, Lo lebe kwa ntweng,
Mokgoro wa Jeso O le kwa pele

[V4]
Go Sule Dikgosi, E, Le Magosi,
Phuthego ya Jeso E eme jalo.
Meleti ga ’kake Ya bona phenyo,
Re na le Morena, Yo O sa fenngweng.

[C]
Tswelelang Bakreste, Lo lebe kwa ntweng,
Mokgoro wa Jeso O le kwa pele

[V5]
Tswelang Pele Batho, A Re Kopaneng,
Ka mantswe a rona, Pineng ya phenyo,
Kgalalelo tlotlo, Go Kreste Kgosi,
E ka bosakhutleng E tla opelwang.

[C]
Tswelelang Bakreste, Lo lebe kwa ntweng,
Mokgoro wa Jeso O le kwa pele

18. Tswelang Pele Bakresete

Link copied to clipboard successfully!