Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #237
Hymn 237 Emelang Jeso
[V1]
Emang, Emelang Jeso, Lona Ba Mokgoro;
Lo goletseng banera, A e se senyegeng;
Go tswa mo phenyong tsotlhe, O tla goga ba ’Gwe,
Baba botlhe ba fele, Kreste ke Morena.
Emang, Emelang Jeso, Lona Ba Mokgoro;
Lo goletseng banera, A e se senyegeng;
Go tswa mo phenyong tsotlhe, O tla goga ba ’Gwe,
Baba botlhe ba fele, Kreste ke Morena.
[V2]
Emang, Emelang, Jeso, Lo Utlweng Lonaka;
Lo ye kwa ntweng e thata, Gone tsatsing jeno;
Banna lo Mo direleng, Mo babeng ba bantshi
Lo nneng bopelo-kgale, Ineeleng bothateng.
Emang, Emelang, Jeso, Lo Utlweng Lonaka;
Lo ye kwa ntweng e thata, Gone tsatsing jeno;
Banna lo Mo direleng, Mo babeng ba bantshi
Lo nneng bopelo-kgale, Ineeleng bothateng.
[V3]
Emang, Emelang Jeso, Emang Thateng Ya ’Gwe
Losi lo tla tlhaela; Lo se iikanyeng;
Tlhomelang ka lefoko, Disang mo thapelong,
Kwa lo bitswang, diphatseng, Se tlhokafaleng teng.
Emang, Emelang Jeso, Emang Thateng Ya ’Gwe
Losi lo tla tlhaela; Lo se iikanyeng;
Tlhomelang ka lefoko, Disang mo thapelong,
Kwa lo bitswang, diphatseng, Se tlhokafaleng teng.
[V4]
Emang, Emelang Jeso, Ntwa E E Ya Feta;
Kajeno ke mokgosi, Ka moso ke phenyo;
Yo fenyang o tla newa ’Rwalo sa botshelo,
A na le Kgosi O tla Busa bosakhutleng.
Emang, Emelang Jeso, Ntwa E E Ya Feta;
Kajeno ke mokgosi, Ka moso ke phenyo;
Yo fenyang o tla newa ’Rwalo sa botshelo,
A na le Kgosi O tla Busa bosakhutleng.