Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #12

Hymn 12 Motswedi O Teng

[V1]
Motswedi O Teng Wa Madi A’ Tswang Mo Mmoloking;
Baleofi ba tsena gone Ba tlhapisiwa leswe.
Ba tlhapisiwa leswe, Ba tlhapisiwa leswe.
Baleofi ba tsena gone Ba tlhapisiwa leswe.

[V2]
Legodu Le Swang Ja Thama, Go Bona Motswedi;
Gone le nna ke le maswe, Nka tlhapa mo dibeng.
Nka tlhapa mo dibeng, Nka tlhapa mo dibeng.
Gone le nna ke le maswe, Nka tlhapa mo dibeng

[V3]
Madi A ’Go Kwana E Swang G’a K’a Latlha Thata;
Phuthego e rekolotsweng Botlhe ba bolokwe
Botlhe ba bolokwe, Botlhe ba bolokwe.
Phutego e rekolotsweng Botlhe ba bolokwe

[V4]
Jaka Ke Bonye Motswedi Wa Madi Tumelong,
Rato lwa ’Go lo mo pelong, Go tsamae ke swe.
Go tsamae ke swe, Go tsamae ke swe,
Rato lwa ’Go lo mo pelong, Go tsamae ke swe.

[V5]
Jeso O Mpaakanyeditse, Mme Ke Sa Tshwanela
Tuelo ya neo ya madi - ’Tshelo bo sa khutleng.
’Tshelo bo sa khutleng, ’Tshelo bo sa khutleng,
Tuelo ya neo ya madi - ’Tshelo bo sa khutleng.

[V6]
Gone Pako Ya Segosi, Ke Baka Poloko,
Loleme lo lo sokameng, Lo ntshitswe bobipong.
Lo ntshitswe bobipong, Lo ntshitswe bobipong.
Loleme lo lo sokameng, Lo ntshitswe bobipong.

12. Motswedi O Teng

Link copied to clipboard successfully!