Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #11

Hymn 11 Ke Tla Latela Mmoloki

[V1]
Ke Tla Latela Mmoloki Gotlhe Kwa Ke Isiwang;
Kwa O yang ke tla ya gone; E Morena ke ye teng.

[C]
Ke tla latela Mmoloki, O ntshololetse madi
Lefa bangwe ba Go latlha, Nna ke tla Go latela

[V2]
Lefa Tsela E Le Mitlwa, Mme E Sa Bonafale,
O e ntsamaetse pele, Ke tla ka boitumelo.

[C]
Ke tla latela Mmoloki, O ntshololetse madi
Lefa bangwe ba Go latlha, Nna ke tla Go latela

[V3]
Lefa Go Le Pitlagano, Ke Raelwa Ga Botlhoko,
Ke gakologelwa Wena, Mme ke tla ke itumela.

[C]
Ke tla latela Mmoloki, O ntshololetse madi
Lefa bangwe ba Go latlha, Nna ke tla Go latela

[V4]
Lefa O Ntsamaisa ’Tshwenyong, Ke Le Mo Bohutsaneng;
O no Wa tlhoka legae, Mme ke ya Go latela.

[C]
Ke tla latela Mmoloki, O ntshololetse madi
Lefa bangwe ba Go latlha, Nna ke tla Go latela

[V5]
Le’ O Ntsamaisa Jordane, Letsididing Botenying,
O tlotse kwa pele ga me, Mme ke tla Go latela

[C]
Ke tla latela Mmoloki, O ntshololetse madi
Lefa bangwe ba Go latlha, Nna ke tla Go latela

11. Ke Tla Latela Mmoloki

Link copied to clipboard successfully!