Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #188

Hymn 188 A Le Ke Le Moleofi

[V1]
Le ke le moleofi, Jeso Ola A ntshwela,
Gore ke tle ke tshele, Gore ke se ke ka swa,
Jaaka mofineng, Ke wa ’Gwe Ene wa me.

’Golo jwa rato lwa ’Gwe Bo feta legodimo,
Lo boteng go lewatle, Lo nna ka bosakhutleng;
Lo mpitlhetse kgakala; Ke ese ke Mo batle.

Le ke le moleofi, Kreste ke tsotlhe go nna;
O itse tlhoko tsa me, Futsana jwa me jwa ’Gwe;
Ke polokong go Ene, O Tshegetsa botshelo.

[V2]
Yang Kwa Gethesemane, Lona Ba Lo Thaelong
Bonang ntwa ya Mmoloki, Letang Nae mo botlhokung;
Se Mo leseng’futsaneng, Go En’ithuteng thapelo.

[V3]
Lo Yeng Ntlung Ya Katlholo; Mmoneng Ba Mma’a Molato;
Lo boneng le santlhokwe; Mmoneng mo motlo tseding;
Se Tshabeng dipogiso, Ipeleseng mokgoro.

[V4]
’Futsaneng Jwa Khal’fari; Naong Tsa ;Gwe Mo Tlotleng,
A kgakgamatso ele; Tshupelo ya Modimo, "Go Fedile,"
Mo utlweng; Go Jeso Ithuteng go swa.

188. A Le Ke Le Moleofi

Link copied to clipboard successfully!