Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #189
Hymn 189 Ga Re Na Mots’ Wa Tlhomamo
[V1]
Ga re na mots’wa tlhomamo; Maswabi fa o no’ le fa;
Re nneng le mogopolo o, Re senka motse o o tlang,
Re senka motse o o tlang.
Ga re na mots’o tlhomameng, Re senka motse o seng fa;
Ke Sione Jeso O teng O phatsima jalo jalo,
O phatsima jalo jalo.
Bontle, kagisong, Kwa baeti ba golotsweng;
Nka bo ne ne ke ka fofa, Ke fofele boikhutsong,
Ke fofele boikhutsong.
Didimala moya wa me, Nako e ntle kea Modimo.
Fa ke dira thato ya ’Gwe, O mpaakanyetsa boikhutso.
O mpaakanyetsa boikhutso.

[V2]
"Bogosi jwa gago bo tle," E ke thapelo ya rona
Mme e mang yo o lekantseng Tlhaloso ya thapelo e?
Tlhaloso ya thapelo e?
’Gosi ja go bo tla tsatsi ja boipelo le dipako
Kilo le ntwa di tla fela, batho ba tla agisana,
Batho ba tla agisana
Jeso o tla busa Sione, Fatsh’a tlase kgalalelo;
O tla busa paradaiso, Sebe, loso, di tla fela,
Sebe, loso, di tla fela.