Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #93
Hymn 93 A Tsatsi Ja Boikhutso Ja Boitumelo
[V1]
A Tsatsi Ja Boikhutso, Ja Boitumelo,
Kgomotso bohutsaneng, Je lentle phatsimong;
Go wena botlhe ba ba Obamang teroneng,
Ba re go Boitshepo, Ene yo’ sa Khutleng.

[V2]
Wena Yo O Femetsweng Fefong Tse Di Tsogang,
Tshim’ e farafarilweng Ke noka tse dintle;
Diba se’ tsidifatsang Komelelo ’tshelong;
Fa re le kwa go Wena, Re bona kwa ’gaeng.

[V3]
A Tsatsi Je Le Botshe, Tsatsi Ja Lorato;
Ke tsatsi ja go rata Dilo tsa godimo.
Re bona tshegofatso, Tsatsing ja boikhutso,
Re senka go ikhutsa Kwa mannong a mantle.