Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #77

Hymn 77 Ke Rata Go Bolela Polelo

[V1]
Ke Rata Go Bolela Polelo’a Godimo,
Ka Jeso kgalalelong, Ka Jeso loratong;
Ke rata go e bolela, Gonne k’itse ke nnete,
E nkgorisa keletsong, Go gaisa tsotlhe.

[C]
Ke rata go bolela Polelo kgalalelong,
Puo ya bogolo-golo Ya rato lwa Jeso.

[V2]
Ke Rata Go Bolela Puo E Gakgamatsang,
Go feta le digouda tsa toro tsa rona;
Ke rata go e bolela, E ntiretse thata,
Mme ke ka ntata eo. Ke’ lo bolelelang.

[C]
Ke rata go bolela Polelo kgalalelong,
Puo ya bogolo-golo Ya rato lwa Jeso.

[V3]
Ke Rata Go Bolela Puo E Monate,
Mme fa ke e bolela, E botshe bogolo;
Ke rata go e bolela, Gonne bangwe ga ba’
Utlwa thom’a poloko, E tswang go Modimo.

[C]
Ke rata go bolela Polelo kgalalelong,
Puo ya bogolo-golo Ya rato lwa Jeso.

[V4]
Ke Rata Go E Bolela, Gonne Ba Ba E Itseng,
Ba rata go e utlwa, Le jaaka ba bangwe;
Fa ke le kgalalelong Kopelo ya me ’ntsha,
E tla nna yone ele, E ke e ratileng

[C]
Ke rata go bolela Polelo kgalalelong,
Puo ya bogolo-golo Ya rato lwa Jeso.

77. Ke Rata Go Bolela Polelo

Link copied to clipboard successfully!