Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #288

Hymn 288 Ba Lere Kwa Go Jeso

[V1]
Ba Lere Kwa Go Jeso, Dimpho Naong Tsa ’Gwe,
Lorato mo Mmoloking, Lwa natetsha dimpho,
Ditiro tse molemo, Di thusa batlhoki,
Ga go mpho mo go tsone E e nyatsegileng.

[C]
O ka leretse Jeso Mpho e e rategang?
’Re "pelo’a me Morena" E bee naong tsa ’Gwe.

[V2]
Ntle Ga Bafi Ba Bangwe Ga Ema Motlhoki;
’Bona neo tsa bone, E potlana molemo,
A tlala tlhologelo Go na’a lefa e nnye;
Ija! Ga a na sepe Fa pele ga Kgosi.

[C]
O ka leretse Jeso Mpho e e rategang?
’Re "pelo’a me Morena" E bee naong tsa ’Gwe.

[V3]
Bofutsaneng A Goa, "Morena Yo’ ’Nolo,
Tsaya se ke Go nayang, Pel’a me ya boleo."
E Jeso bonolong A re, "S’e bale potlana,
Le’ tsotlhe di tlhokega, Ya ’go ya di gaisa."

[C]
O ka leretse Jeso Mpho e e rategang?
’Re "pelo’a me Morena" E bee naong tsa ’Gwe.

288. Ba Lere Kwa Go Jeso

Link copied to clipboard successfully!