Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #220

Hymn 220 Lefatshe Ja Kwa Gae

[V1]
Lefatshe Ja Kwa Gae, Fatshing Ja Go Tsalwa;
Ga go ’sigo kwa Gae, Moso o’ sa khutleng;
Ke fegelelwa Gae. Botlhoko mo pelong,
Ga go setlhabi kwa Gae, Kwa ke atamelang;
Ga go setlhabi kwa Gae, Kwa ke atamelang.

[V2]
Morena’ Me O Kwa Gae, O Na Le Ba’ngele;
Ga go boleo kwa Gae, Ga go thaelo teng,
Dipina tsa kwa Gae Di Duma ditsebeng,
Fa ke gopola ka Legae, Dikeledi dia tswa.
Fa ke gopola ka Legae, Dikeledi dia tswa.

[V3]
Baagi Ba Kwa Gae Ba Mpiletsa Gone,
Kwa loso, bofutsana, Di sa tseneng mo Gae;
Lefatshe je ke tsetsweng; Kagiso godimo...
Jeso re tlisa kwa Gae O re rekolotse.
Jeso re tlisa kwa Gae O re rekolotse.

220. Lefatshe Ja Kwa Gae

Link copied to clipboard successfully!