Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #218
Hymn 218 Motheo Wa Phuthego Ke Jeso Morena
[V1]
Motheo Wa Phuthego Ke Jeso Morena,
Ke lobopo lo losa, Ka madi le metse;
O tsile go e senka Go nna boitshepo,
Ka madi O rekile A ba A e swela.
Motheo Wa Phuthego Ke Jeso Morena,
Ke lobopo lo losa, Ka madi le metse;
O tsile go e senka Go nna boitshepo,
Ka madi O rekile A ba A e swela.
[V2]
Ba Ba Tswang Tshikeng Tsotlhe, Botlhe Bangwe Fela,
Morena mongwe fela, Tumelo, Go tsalwa;
E itshepisa leina Le le lengwe fela,
E na le tsholofelo, E mo tshegofatsong.
Ba Ba Tswang Tshikeng Tsotlhe, Botlhe Bangwe Fela,
Morena mongwe fela, Tumelo, Go tsalwa;
E itshepisa leina Le le lengwe fela,
E na le tsholofelo, E mo tshegofatsong.
[V3]
Lefa Ka Go E Sotla, Batho Ba E Leba,
Lefa baba ba thuba Lefika ja yone;
Baitshepi ka tumelo Ba re, "Go fitlha leng?"
Bosigo jwa go lela E tla nna jwa pako.
Lefa Ka Go E Sotla, Batho Ba E Leba,
Lefa baba ba thuba Lefika ja yone;
Baitshepi ka tumelo Ba re, "Go fitlha leng?"
Bosigo jwa go lela E tla nna jwa pako.
[V4]
Tirong Dipitlaganong, Le Dintweng Tsa Yone,
E letile kagiso Ya ka bosakhutleng;
Ponong ya kgalalelo, E segofadiwe
Mme ka phenyo phuthego E tla nna boikhutsong.
Tirong Dipitlaganong, Le Dintweng Tsa Yone,
E letile kagiso Ya ka bosakhutleng;
Ponong ya kgalalelo, E segofadiwe
Mme ka phenyo phuthego E tla nna boikhutsong.