Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #205

Hymn 205 Fa Jeso A Seba

[V1]
Fa Jeso A Seba, Tla, Moleofi Tla.
Fa re go rapelela, Tla moleofi.
Ke nako ya go Mo rua, Tla moleofi,
Ke nako go M’itse Tla moleofi.

[V2]
A O Wa Imelwa? Tla Moleofi.
Jeso O tla go thusa, Tla moleofi.
G’a na go go tsietsa, Tla moleofi,
O tla go rekolola, Tla moleofi.

[V3]
Utlwa Thapelo Ya ’Gwe, Tla Moleofi,
Amogela lesego, Tla moleofi.
Fa Jes’a go sebetsa, Tla moleofi.
Fa re go rapelela, Tla moleofi.

205. Fa Jeso A Seba

Link copied to clipboard successfully!