Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #199

Hymn 199 Ka Tiro Tsa ’Gwe

[V1]
Tlotlo Ka Tiro Tsa ’Gwe Tse Di Kgolo,
O re ratile A re fa Morwawe,
Yo O re intsheditseng seletlanyo,
A bulela bontlhe kgoro’a botshelo.

[C]
Lo bakeng Morena, Lefatshe le M’utlwe;
Lo bakeng Morena, Batho ba ipele;
Ao tlang kwa go Rara, ka Jeso Morwa
Lo mo tlotlele tiro tse di kgolo.

[V2]
Ao Thekololo Tuelo Ya Madi,
Tsholofetso’a Modimo badumedi;
Motlodi yo’ maswe fa a dumela,
’Bakeng lo Jeso Oa mo itshwarela.

[C]
Lo bakeng Morena, Lefatshe le M’utlwe;
Lo bakeng Morena, Batho ba ipele;
Ao tlang kwa go Rara, ka Jeso Morwa
Lo mo tlotlele tiro tse di kgolo.

[V3]
O Re Rutile A Dira Tse Kgolo,
Bogolo boipelo jwa rona Morweng;
Mme go tl’itsheka segolo bogolo
Phetolo’a rona fa re bona Jeso.

[C]
Lo bakeng Morena, Lefatshe le M’utlwe;
Lo bakeng Morena, Batho ba ipele;
Ao tlang kwa go Rara, ka Jeso Morwa
Lo mo tlotlele tiro tse di kgolo.

199. Ka Tiro Tsa ’Gwe

Link copied to clipboard successfully!