Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #163
Hymn 163 Utlwa Jeso O Ya Bitsa
[V1]
Utlwa Jeso O Ya Bitsa, "Go Tla Ya Go Dira Mang?
Masim’a letile thobo, Mang yo tla rorang diako?"
Morena O bitsa thata, Tuelo fela kgolo;
Mang yo tla araban ga’re: "Ke fa Morena nthoma?"

[V2]
Fa O Sa Tlole Lewatle; Fatshing A Bohedene,
O ka fitlhela yo gaufi; Go thusa kgorong tsa go;
Le O sa bue se-engele, O sa rere ’ka Paulo,
Bolela rato lwa Gagwe, O re: O swetse botlhe.

[V3]
Fa O Sa Nne Molebedi, Lorakong Lwa Sione,
O supa tsela’ godimo, Botlhe ba fe botshelo,
Ka thapelo le dineo O ka dira taolo,
O ka tshwana le Arone, Thusa moparofeto.

[V4]
Fa Mewa Ya Batho E Swa, Morena A Go Bitsa,
Se bue ka botshwakga wa re, "Ga go se nka se dirang;
Tsa’a tiro ka boitumelo, E go itumedise;
Araba jaaka A bitsa, "Ke fa Morena nthoma.