Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #161
Hymn 161 Ke Na Le Tsala Tota
[V1]
Ke Na Le Tsala Tota, Yo Rategang Thata,
O nthata ga kalo-kalo Ka boikanyego;
Ga nka ke ka tshel’a se teng, Ke rat’a nne gaufi,
Mme re tsamaya mmogo, Ene le nna.
Ke Na Le Tsala Tota, Yo Rategang Thata,
O nthata ga kalo-kalo Ka boikanyego;
Ga nka ke ka tshel’a se teng, Ke rat’a nne gaufi,
Mme re tsamaya mmogo, Ene le nna.
[V2]
Mme Fa Ke Lapile O Itse Ke Bokoa,
Fa’ re k’ ikaege go Ene, E ke batla thuso;
O nkgoga tseleng tsa sedi, Tsatsing ja loapi
Mme re tsamaya mmogo, Ene le nna.
Mme Fa Ke Lapile O Itse Ke Bokoa,
Fa’ re k’ ikaege go Ene, E ke batla thuso;
O nkgoga tseleng tsa sedi, Tsatsing ja loapi
Mme re tsamaya mmogo, Ene le nna.
[V3]
O Itse Kutlobotlhoko Le Boipelo Jwa Me,
O itse se ’ intumedisang Le se se nkgopisang;
O mpolelela tshwanelo, Le kafa nka lekang,
Mme re tsamaya mmogo, Ene le nna.
O Itse Kutlobotlhoko Le Boipelo Jwa Me,
O itse se ’ intumedisang Le se se nkgopisang;
O mpolelela tshwanelo, Le kafa nka lekang,
Mme re tsamaya mmogo, Ene le nna.
[V4]
O Itse Fa Ke Eletsa Go Gapa Molapi,
Mme O re ke tsamae ke bue ’Foko ja lorato;
O re ke bolele rato Lwa Gagwe le loso,
Jalo re dira mmogo, Ene le nna.
O Itse Fa Ke Eletsa Go Gapa Molapi,
Mme O re ke tsamae ke bue ’Foko ja lorato;
O re ke bolele rato Lwa Gagwe le loso,
Jalo re dira mmogo, Ene le nna.