Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #146

Hymn 146 O Tshele Mo Teng Ga Me

[V1]
O Tshele Mo Teng Ga Me, Kgosi Ya Dikgosi,
Wena O nne karabo Potsong tsotlhe tsa me;
O tshele mo teng ga me, Dira thato ya Go.
Mme nna ke bonafatse Kgalalelo ya Go.

[V2]
Mmele O O Tshwaetswe, O Itshekisitswe;
A lesedi ja Gago, Le phatsime mo teng,
Fatshe le didimale, Mmele go tswa janong
Motlhanka wa Gago yo, O mo tsamaise.

[V3]
Tokololo Tsa One Di Lete Go Bid’wa,
Gore O di dirise, Kgotsa di se dire;
Di nne di sa tlhoafatswa Ke tiro le teko,
Ditirelong tsa Gago, Kgotsa pelaelo.

[V4]
Mme Ke Nne Tidimalong Ya Go Siamisiwa,
Ke ntse ke Go letile Fa Wena O ntlhoka,
O tshele mo teng ga me, Kgosi ya dikgosi,
Wena O nne karabo Potsong tsotlhe tsa me.

146. O Tshele Mo Teng Ga Me

Link copied to clipboard successfully!