Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #135

Hymn 135 Ke Ya Go Rata Morena

[V1]
Ke Ya Go Rata Morena, Go Gaisa Tsa ’Fatshe;
Gonne O mphile kagiso E e sa senyegeng.

[C]
Ga go ya bolelwa gotlhe, Ka rato lo ntletseng;
Ga go ya bolelwa gotlhe, Madi a a ntlhatswang.

[V2]
O Gaufi Go Gaisa Botlhe Ba Lefatshe;
Monate kgopolong ya ’Go Go gaisa kopelo.

[C]
Ga go ya bolelwa gotlhe, Ka rato lo ntletseng;
Ga go ya bolelwa gotlhe, Madi a a ntlhatswang.

[V3]
O Mphile Boitumelo Mme Ke Tla Ipela;
Kwa ntle ga rato lwa Gago Ke nna mo maswabing.

[C]
Ga go ya bolelwa gotlhe, Ka rato lo ntletseng;
Ga go ya bolelwa gotlhe, Madi a a ntlhatswang.

[V4]
Mmoloki Yo Montle Wa Me; Go Tla Nna Jang K’o Teng?
Fa re ka rweswa boipelo Go Wena fatshing je.

[C]
Ga go ya bolelwa gotlhe, Ka rato lo ntletseng;
Ga go ya bolelwa gotlhe, Madi a a ntlhatswang.

135. Ke Ya Go Rata Morena

Link copied to clipboard successfully!