Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #85
Hymn 85 Ke Opela Thata Ya Modimo
[V1]
K’opela That’a Modimo, E Tlhotseng Dithaba,
E tsharolotseng lewatle E, le legodimo;
Ke opela ’tlhale jo bo Tlhomileng letsatsi;
Le yone kgwedi mo taolong, Naledi dia utlwa.

[V2]
K’opela Molemo Wa ’Gwe, Wa Dijo Mo Fatshing,
O tlhotse ka foko ja ’Gwe, A re go molemo.
Morena dikgakgamatso Tsa Gago di gotlhe:
Fa ke tlhatlhoba lefatshe, Gongwe legodimo

[V3]
Tsotlhe Tse Di Melang Tlase Dia Go Galaletsa;
Maru le difefo di teng, Di laolwa ke Wena.
Le tsone ditshidi di mo Pabalelong ya Go;
Ga go kwa re ka tshabelang, Modimo O gone.