Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #262

Hymn 262 Ke Tla Dirang Ka Jeso?

[V1]
Ke Tla Dirang Ka Jeso? O Eme Fa Janong,
A ’pere bofudibu, Le mitlwa mo tlhogong.

[C]
Ga Se Moleofing Fela, Pots’e Tlang Ka Thata;
E utlweng ba lo balaelang Mo nakong ya teko.
YA BOFELO:
E ke potso janong; Karabo ’tla nna eng?
Ke tla bapola Barabas Ke golole Kgosi.

[V2]
Ke Golole Legodu, Je Le Ikgodisang?
Boleo gongwe Mmoloki? A go tla ganwa mang?

[C]
Ga Se Moleofing Fela, Pots’e Tlang Ka Thata;
E utlweng ba lo balaelang Mo nakong ya teko.
YA BOFELO:
E ke potso janong; Karabo ’tla nna eng?
Ke tla bapola Barabas Ke golole Kgosi.

[V3]
Potso E E Masisi, ’Lekanyo Se Eme.
Boutlwelo-botlhoko, bo sa ntse bo le teng.

[C]
Ga Se Moleofing Fela, Pots’e Tlang Ka Thata;
E utlweng ba lo balaelang Mo nakong ya teko.
YA BOFELO:
E ke potso janong; Karabo ’tla nna eng?
Ke tla bapola Barabas Ke golole Kgosi.

[V4]
Setulong Sa Katlholo, O Latlha Lefatshe?
O ntse O goa thata, O re le bapolwe.

[C]
Ga Se Moleofing Fela, Pots’e Tlang Ka Thata;
E utlweng ba lo balaelang Mo nakong ya teko.
YA BOFELO:
E ke potso janong; Karabo ’tla nna eng?
Ke tla bapola Barabas Ke golole Kgosi.

262. Ke Tla Dirang Ka Jeso?

Link copied to clipboard successfully!