Back to Keresete mo Kopelong List
Keresete mo Kopelong #248
Hymn 248 Keng Bontsi Jo
[V1]
Keng Bontsi Jo Bo Tlhoafatseng Bo Fetang B’itlhaganetse,
Ba phuthega metlha yotlhe? Ke khuduego yang tswe-tswe?
Bontsi jwa araba jwa re "Jeso Monasara Oa feta."
Bonsti jwa araba jwa re "Jeso Monasara Oa feta."

[V2]
Ke Mang Jeso Yo? Ke Ka Ntlhang
A tshikinyang motse thata?
Moyeng yo fetang O na le Go tshikinya bontsi Ene,
Gape ba fetola ba re "Jeso Monasara Oa feta."

[V3]
Jeso Ke Ene Yo’ Kileng A Tsama’a Mo Bofutsaneng;
Mme ba ba imelwang gotlhe, Ba le’e balwetse go Ene.
Fofu sa ipela g’utlwa: "Jeso Monasara Oa feta."

[V4]
Kajeno Jaaka Foo, Gotlhe Re Ka Bona Kgato Tsa ’Gwe;
O eme fa go rona, nnyaa O tsena gore A tla’ nne;
A ga re na go goa re re: "Jeso Monasara Oa feta."

[V5]
Tlang Lotlhe Ba Lo Imelwang,
Go boitshwarelo, kgomotso;
Lona ba lo timetseng koo, Boelang go Rara O tshwaro.
Baraedwi phemelo gaufi, "Jeso Monasara Oa feta."

[V6]
Mme Fa O Gana Pitso E, O Senya Rato Lwa Gagwe,
O tla boa ka maswabi, Ka O ganne pitso ya ’Gwe.
Go tla twe, "O diegile", "Jeso Monasara fetile."