Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #240

Hymn 240 Bonang Mmoloki Mojako

[V1]
Bonang Mmoloki Mojako, Oa Kokonya, Oa Kokonya,
Ga A bolo go leta teng, Ga O dire ope jalo.

[V2]
O Go Tlhagisa Go Reka Gouda E E Lekilweng;
Itlotsa matlho O bone, Ntsha ’labe tse di go wena.

[V3]
Utlwa Lentswe Ja Mosupi, O Na’a Tlhopho Ya Bofelo;
O kgopilwe, O mololo. Tlhoafala O tsogologe.

[V4]
Tiro Ya ’Gwe E Ya Fela, O Tloga A Sa Rapela;
Yo’ leswe, a a nne leswe, Yo’ boitshepo, a nne jalo.

[V5]
O Kolobetswa Ke Monyo, Mme O Mo Pelong Ya Gago.
Tsoga O bule mojako; Mo ree se lete Moratwi.

[V6]
Mo Tsenye, Mo Itumelele; Mme O Tla Ikhutsa Go Ene,
Mme mo puong e monate O tla lalela le wena.

240. Bonang Mmoloki Mojako

Link copied to clipboard successfully!