Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #128

Hymn 128 Nako Ntle Ya Thapelo

[V1]
Nako ’Ntle Ya Thapelo, Fa Re Ingotlile,
Re phuthegetse Jeso Mmoloki Tsala;
Fa re tla ka tumelo, Oa re sireletsa.
A kgomotso molaping; Go sego go nna teng,

[C]
Nako’a thapelo, Nako’a thapelo,
A kgomotso molaping; Go sego go nna teng.

[V2]
Nako Ntle Ya Thapelo Mmoloki O Gone,
Ka bonolo go utlwa bana ba Gagwe,
Fa A re re latlhele merwalo naong tsa Gwe,
Ke kgomotso molaping. Go sego go nna teng.

[C]
Nako’a thapelo, Nako’a thapelo,
A kgomotso molaping; Go sego go nna teng.

[V3]
Nako ’Ntle Ya Thapelo, Fa Ba Ba Raelwang,
Ba lere Mmoloking tlalelo tsa bone;
Ka kutlwelo-botlhoko, O di tlosa tsotlhe;
A kgomotso molaping. Go sego go nna teng

[C]
Nako’a thapelo, Nako’a thapelo,
A kgomotso molaping; Go sego go nna teng.

[V4]
Nako ’Ntle Ya Thapelo, Re Ya Mo Dumela,
Gore kannete re tla bona masego,
Go Mo ikanyeng, re tla gololwa go tsotlhe;
A kgomotso molaping. Go sego go nna teng.

[C]
Nako’a thapelo, Nako’a thapelo,
A kgomotso molaping; Go sego go nna teng.

128. Nako Ntle Ya Thapelo

Link copied to clipboard successfully!