Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #116

Hymn 116 Pelo Ya Go E Tletse

[V1]
Pelo Ya ’Go E Tletse, A Jeso G’a Na Bonno
O tshwerwe ke lefatshe A Jeso g’a na bonno?
O eme mo mojakong, Mme O ya kgwanyakgwanya;
Mo utlwe wa rapela A Jeso g’a na bonno?

[V2]
O Ntse O Senya Nako, Ga O Direle Jeso?
O senya thata ya ’Gwe Ga O direle Jeso?
G’o lwele phenyo sebing, Ga O gape yo mongwe,
G’o tsenye motimedi, Ga O direle Jeso.

[V3]
O Batla Tsa Lefatshe, G’o Na Nako Ya Jeso?
Ya tiro e molemo, G’o na nako ya Jeso?
Boitumelo le khumo Tsa lefatshe jeno, ke
Tsone tse O di batlang, Ga O nako ka Jeso?

[V4]
O Makakaba Fela, G’o Na Ungo Lwa Jeso?
Ga O a tshola sepe, G’o na ungo lwa Jeso?
Ga O boloke sepe, Go duela tiro ya go
Ga go boipelo mogang O rakanang le Jeso.

116. Pelo Ya Go E Tletse

Link copied to clipboard successfully!