Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #80

Hymn 80 Kwa Tirong!

[V1]
Kwa Tirong: Kwa Tirong: Roma Ba Modimo,
Re lateleng tsela ya Moren’a rona;
Ka lefoko ja Gagwe A re nonotshe,
A re direng ka thata se re se dirang.

[C]
Re direng, re direng, Re direng, re direng,
R’ ikanyeng, re diseng, Re direng Morena A tle.

[V2]
Kwa Tirong: Kwa Tirong: Ba Tlala Ba Jeseng;
Motsweding wa Botshelo isang banyorwi;
Kgalalelo ya rona e nne mokgorong,
Fa re bolela mafoko a "Poloko."

[C]
Re direng, re direng, Re direng, re direng,
R’ ikanyeng, re diseng, Re direng Morena A tle.

[V3]
Kwa Tirong: Kwa Tirong: Botlhe Ba Ka Dira,
Gonne bogosi jwa lefifi bo tla wa;
Leina ja Jehofa le tla godiswa,
Mo go dumeng ga mantswe, "Poloko fela"

[C]
Re direng, re direng, Re direng, re direng,
R’ ikanyeng, re diseng, Re direng Morena A tle.

[V4]
Kwa Tirong: Kwa Tirong Go Ya Kwa Bokhutlong,
Gonne go tla thobo go tla le barobi;
Mme re tla nna legaeeng ja babolokwa,
Mme re ntse re opela "Poloko fela"

[C]
Re direng, re direng, Re direng, re direng,
R’ ikanyeng, re diseng, Re direng Morena A tle.

80. Kwa Tirong!

Link copied to clipboard successfully!