Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #73

Hymn 73 Re Bileditswe Dijo Kgosing

[V1]
Re Bileditswe Dijo Kgosing,
Go nna, gongwe bathung ba Gagwe;
Go tla nna jang tsala go rona Fa Kgosi e tsena?

[C]
Mogang Kgosi e tsenang, Fa Kgosi e tsena,
Go tla nna jang mo go rona Fa Kgosi e tsena?

[V2]
Dirwalo Mo Tlhogong Ya Gagwe,
Kgalalelong Yo swetseng batho;
Foo re tla bona pono e ntle, Fa Kgosi e tsena.

[C]
Mogang Kgosi e tsenang, Fa Kgosi e tsena,
Go tla nna jang mo go rona Fa Kgosi e tsena?

[V3]
Nakong Eo Go Tla Bonadiwa
Dilo tse di fitlhetsweng botlhe;
Re tla itsanye dipopego, Fa Kgosi e tsena.

[C]
Mogang Kgosi e tsenang, Fa Kgosi e tsena,
Go tla nna jang mo go rona Fa Kgosi e tsena?

[V4]
O Tla Leba Botlhe Boipelong
Ba b’ apesitsweng tsa lenyalo;
Bontle fa re ka ema tekong, Fa Kgosi e tsena.

[C]
Mogang Kgosi e tsenang, Fa Kgosi e tsena,
Go tla nna jang mo go rona Fa Kgosi e tsena?

[V5]
Kgaogano E E Sa Khutleng,
Botlhoko go ba ba timetseng,
Poitshego nakong ya botlhoko, Fa Kreste A tsena.

[C]
Mogang Kgosi e tsenang, Fa Kgosi e tsena,
Go tla nna jang mo go rona Fa Kgosi e tsena?

[V6]
Morena Re Nee Tshegofatso,
Gore ka bongwe re Go lete,
Gore re tle re se Go boife Mogang O tsenang.

[C]
Mogang Kgosi e tsenang, Fa Kgosi e tsena,
Go tla nna jang mo go rona Fa Kgosi e tsena?

73. Re Bileditswe Dijo Kgosing

Link copied to clipboard successfully!