Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #71

Hymn 71 Ga Ke Re Sepe Khumo

[V1]
Ga Ke Re Sepe Khumo, Lefa E Le Gouda;
Ke senka legodimo, Ke tsene lesakeng;
Kwalong lwa gosi jwa Go, Lo lo lontle thatha,
Mpolelela Mmoloki, A ke kwadilwe teng?

[C]
A ke kwadilwe teng, Mo tsebeng tse di tshweu?
Kwalong lwa gosi jwa ’Go, A ke kwadilwe teng?

[V2]
Morena Ke Mo Dibeng, Di Jaaka Mosawa,
Mme madi a Mmoloki, A intekanetse;
Go, na le tsholofetso, tlhakeng tse ’phatsimang,
"Lefa di le khubidu, Di tla nna ditshweu"

[C]
A ke kwadilwe teng, Mo tsebeng tse di tshweu?
Kwalong lwa gosi jwa ’Go, A ke kwadilwe teng?

[V3]
Motseng O Montle Ole, Mannong A Lesedi,
Kwa ba ’galaleditsweng, Ba kobo tse di tshweu;
Kwa ’sula bo sa tseneng, Go senya tse dintle,
Tebelong ya baengele, A ke kwadilwe teng?

[C]
A ke kwadilwe teng, Mo tsebeng tse di tshweu?
Kwalong lwa gosi jwa ’Go, A ke kwadilwe teng?

71. Ga Ke Re Sepe Khumo

Link copied to clipboard successfully!