Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #235

Hymn 235 Gape Go Bo’a Tsatsi

[V1]
Gape Go Bo’a Tsatsi Ja Boikhutso,
Le segofaditswe ke Jehofa;
Fa O re laotseng go ema tirong,
Mme botlhe ba tle ba nne kagisong.

[V2]
A Re Emiseng Letsatsi Je Go
Ithuta thato ya ’Gwe, r’ utlwe;
Mme O tla utlwa fa re tlhatlosa
Merapelo le pako tsa rona.

[V3]
Morena Wa Mafatshe O Reetse,
Utlwa ntswe ja bana ba ’Go tshwarong;
Tsholofetso ya ’Go e tlhomane,
Bonatsa tshwaro go ba timetseng.

[V4]
Rra Tsholofelo’a Rona Godimong,
Thata, taolo tsa ’Go dia re goga
Botshelong ke modisa le tsala,
Kgalalelo, bogolo, ke tsa ’Go.

235. Gape Go Bo’a Tsatsi

Link copied to clipboard successfully!