Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #214

Hymn 214 A Jeso Wa Tlhokomela?

[V1]
A Jeso’a Tlhokomela Fa Ke Futsafaletse Kopelo?
Ke le bothateng, Mo patikegong, Mme ke lapis’wa ke tsela?

[C]
E oa tlhokomela k’itse, O itse futsana jwa me;
Metlheng ya bothata, Kea itse Mmoloki Wa tlhokomela.

[V2]
A Jeso’a Tlhokomela Fa Tsela Ya Me E Le Lefifi?
Fa letsatsi le phirima ’sigo, A O nna fa go gaufi?

[C]
E oa tlhokomela k’itse, O itse futsana jwa me;
Metlheng ya bothata, Kea itse Mmoloki Wa tlhokomela.

[V3]
A Jeso’a Tlhokomela Fa Ke Paletswe Ke Thaelo’thata?
Mo boputsaneng, Ke se na thuso Ke lela bosigo jotlhe.

[C]
E oa tlhokomela k’itse, O itse futsana jwa me;
Metlheng ya bothata, Kea itse Mmoloki Wa tlhokomela.

[V4]
A Jeso’a Tlhokomela Fa Ke Re "Sala Sentle Moratwa,"
Pelo’a me e batla go phatloga, A ke lefela? Wa bona?

[C]
E oa tlhokomela k’itse, O itse futsana jwa me;
Metlheng ya bothata, Kea itse Mmoloki Wa tlhokomela.

214. A Jeso Wa Tlhokomela?

Link copied to clipboard successfully!