Back to Keresete mo Kopelong List Keresete mo Kopelong #119

Hymn 119 E, Janong Ke Bona Madi

[V1]
E, Janong Ke Bona Madi, Motswedi O Boteng;
Jeso Moren’ O bolokang, O supa tlhakoring.

[C]
Ke bona Motswedi O tlhatswang,
Janong ke tsena go tlhapa;
Bakang Morena wa ntlhatswa,
O wa ntlhatswa, e wa ntlhatswa.

[V2]
Ke Bona Bopo Lo Losa, K’utlwa Madia Buang;
A re tshenyego e ya swa, Mading a tlhapisang.

[C]
Ke bona Motswedi O tlhatswang,
Janong ke tsena go tlhapa;
Bakang Morena wa ntlhatswa,
O wa ntlhatswa, e wa ntlhatswa.

[V3]
Ke Tlhatlogela Leseding, Je Le Kwa Godimo;
Ka pelo e itshekileng, Jeso A le mo teng.

[C]
Ke bona Motswedi O tlhatswang,
Janong ke tsena go tlhapa;
Bakang Morena wa ntlhatswa,
O wa ntlhatswa, e wa ntlhatswa.

[V4]
Kgakgamatso Fano Tlase, G’utlwa Madi A Duleng,
Mme ke itse Jeso fela, Wa me yo’ bapotsweng.

[C]
Ke bona Motswedi O tlhatswang,
Janong ke tsena go tlhapa;
Bakang Morena wa ntlhatswa,
O wa ntlhatswa, e wa ntlhatswa.

119. E, Janong Ke Bona Madi

Link copied to clipboard successfully!